by PR LOCAL PODCAST
March 16th 2023.

PHAKALANE REBELS E THUSA BA TLHOKILENG LESEGO KO SHAKAWE .

BY: Omogolo Diane

Setlhopha sa bana sa mmino kwa Shakawe se tsweletse ka go dira ka natla le go nna sekao sa bopelotlhomogi le bopelontle mo Motseng oo . Phakalane Rebels ke setlhopha sa bana ba ba diragatsang ka mmino mo medirong ka go farologana teng  ko Motseng wa Shakawe. Fa a buisana le lekoko la dikgang la Pr local podcast, mokatisi ebile ele Motlhami wa setlhopha se Rre Timothy Seranzo, are maikaelelo magolo a gagwe ke go bereka le bana go ba itsa go ilhitlhela ba le mo diemong tse di ka ba tsenyang mo diphatseng jaaka tiriso ya nno- tagi , go tlogela sekolo , boimana jwa bana ba sekolo le tse dingwe tse a supileng fa di tshwenya thata mo motseng wa Shakawe . Rre Seranzo o tsweletse ka go supa fa go bereka gaufi thata le bana , ka teta ya batsadi ba bone go mo thusa go aga botsalano jo bontle le bana le go tlhaloganya matlhoko le diemo tsa bone , selo se a supang se mo thusa go ba fa thuso e maleba fa bana le diemo kgotsa ba sa itumela kana ba  tlhoka . Mokatisi o supile fa ba tsweletse ka go abela sechaba le go thusa ba ba tlhokang ka bonyenyane jo bo kgonang go bo dira mo meletlong jaaka ba tlhapiwa. Are ere ka setlhopha sa gagwe se nale bana ba ba lebahanweng ke diemonle dikgwetlho ka go farologana , go diragatsa go ba thusa go rarabolola mathata a bone le go ithusa ka  tse ba di tlhokang go tlokafatsa matshelo a bone ka jaana bangwe ba bone ba sokola .  Rre Seranzo  o supile fa go thusa ba ba tlhokang go ba kgotlhatsa , ebile e le one maikaelelo a bone ka a dumela fa batlhoki le botlhe fela ba ba nang le diemo ba itlhokomolositswe ke ba ba maleba . 

" Motho o kgona go nna mo ntlong mme e ole ka fa morago e thibilwe ka kobo kana di plastic , ke dilo tse di ngomolang pelo . Re a tle re thuse mo diemong tseo re abe gongwe kgetsana tsa di- cement gore bogolo motho a nne le fa a bayang thogo teng . " 

Setlhopha se diragaditse mo medirong ka go farologana mongwe wa yone ele Tshupiso ya tsela (Road-show) ya lephata la Dipalamo le Ditlhaelatsano le mokgatho wa MVA Fund go ruta sechaba ka ipabalelo tseleng . Ere le fa go ntse jalo , ba kopa sechaba go ba rotloetsale go ba ema nokeng ka dinako tsotlhe le  gone go ba tlhapa go diragatsa mo melotlong ya motshegare ya sechaba , bana kgotsa ya mo malwapeng .


Search Website

Search

Subscribe

Newsletter

WhatsApp Google Map

Safety and Abuse Reporting

Thanks for being awesome!

We appreciate you contacting us. Our support will get back in touch with you soon!

Have a great day!

Are you sure you want to report abuse against this website?

Please note that your query will be processed only if we find it relevant. Rest all requests will be ignored. If you need help with the website, please login to your dashboard and connect to support